Monday, June 9, 2008

Temo thuo e ka thusa banana

SEROWE - Banana ba rotloeditswe go simolola dikgwebo tsa temo-thuo go tsholetsa seemo sa temo le leruo mo Botswana.

Kgosi Boingotlo Radithabano wa Motshegaletau o buile se fa a amogela baeng kwa motseng o o mo dithuto-puisanong tsa temo-thuo tsa banana ba Serowe-Borwa.

O ne a itumelela go bona banana ba tsile ka dipalo tse di nametsang mme a ba gwetlha gore fa ba fetsa dithuto, ba ye go diragatsa se ba se ithutileng.

E rile Mme Bontleng Paki wa ofisi ya mopalamente wa Serowe Borwa a bega maikaelelo a bokopano, a tlhalosa fa mopalamente a leka go araba selelo sa banana ba dikgaolwana tse di mo Serowe Borwa ka bare ga ba itse sentle ka mananeo a go simolodisa dikgwebo.

Zemanta Pixie

No comments: