Monday, October 22, 2007

Babereki ba mo kgatelelong (19 October, 2007)

Republic of Botswana - Gaberones,Botswana
A bolela fa lefatshe leno itsholelo ya lone e ikaegile ka temo thuo mme bone fa ba busa ba tlaa tlhabolola temo ka go dira temo ya nosetso gore go direlwe ...
See all stories on this topic

Thursday, August 30, 2007

Ditshupo di thusa go lwantsha lehuma

PALAPYE - Mookamedi wa tsa kgwebo mo bankeng ya FNB mo Botswana, Mme Tsholofelo Kokorwe, a re ditshupo di ka thusa Batswana go lwantsha lehuma.

E rile a bula ditshupo tsa temo thuo kwa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Bokone, ka mafelo a beke, a kgothatsa balemi barui ba kgaolo eo gore ba tshware ka mashetla go tokafatsa seemo sa ditshupo tsa kgaolo ya bone, a re di ka ba thusa go ba tlhamela ditiro.

A re gape ditshupo ke ntlha nngwe ya go ithuta go gweba ka go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go dira dikgaisano tsa disupiwa le go bona ba ba tlileng go ipapatsa ba bontsha setshaba diruiwa le tse dintle tse ba di robileng mo thobong ya bone.

Mme Kokorwe o ne a ba gakolola gore ba leke thata go bona gore a ditshupo tsa bone di nna le diphetogo tse di ba isang kwa seemong se sentle se se supang gore ba ya golo gongwe.

O kopile banana gore le bone ba tshwanetse ba ema ka dinao go nna le seabe mo ditshupong, a re ba se ka ba leba mo batsading fela, mme e tshwanetse ya nna bone ba ba jekileng go feta bagolo ba bone.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Charles Noge o ne a kgothatsa batho ba metse e e lebaganeng le ditshupo tseo go ikiteya ka thupana go feleletsa holo e e agiwang ka pela.

A re ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ditshupo tsa bone di ye kwa tlase go na le gore di gole ka gore fa ba tshwanetse go direla ditiro tsa ditshupo mo lefelong la tsone, ba felela ba sa kgone.

O buile gape ka kagelelo ya lone lefelo leo la ditshupo, a re ga le a agelelwa sentle ka gore batho bangwe ba itsenela fela ba sa duele ka go le motlhofo go tsena mme go tlhokafale madi a a dirang dithulaganyo le a a tsamaisang ditshupo ngwaga le ngwaga.

Saturday, July 21, 2007

Balemi barui ba jela mo kgobedung

LENTSWELETAU - E re le mororo leuba la monongwaga le shenne meno, balemi barui ba jetse mo kgobedung, banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng botlhaba ba itumile sejabana go tshwara ditshupo tsa temo thuo kgwedi ee tlang ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le botlhano.

Mothusa Rabalemisi wa Lentsweletau, Rre Benjamin Mogapi o boleletse ba motswedi wa dikgang wa BOPA gore komiti ya ditshupo ya Lentsweletau e tsweletse sentle ka dipaakanyo, o boletse fa komiti kgolo etla kopana beke ee tlang ele la bofelo go wetsa dipaakanyo.

O boletse fa balemi barui, bakenti le balemisi ba kgaolo bane ba kopantse ditlhogo mme ba bona fa ele yone nako ya go ruta balemi barui go ithuta thata ka temo thuo fa seemo se le maswe jaaka sa leuba.

A re ditaletso di dirilwe go laletsa baeng ba tlotla mme ba emetse diphetolo go tswa ko go bone fela। [MORE]

Friday, July 6, 2007

BOPA Daily News Archive

BOPA Daily News ArchiveMAHALAPYE - Mogolwane wa ditlhaeletsano kwa Mascom, Odirile Motlhale, a re temo thuo ke nngwe ya metswedi e e ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe leno le ...

Saturday, June 30, 2007

Honourable Speaker, Madam Premier, Members of the Executive ...

Honourable Speaker, Madam Premier, Members of the Executive ...
maikemisetso ho ntshetseng pele temo-thuo. Mmuso wa foreistata o mema dihwai. tsohle hore di kene le ona tumellanong ya ho fedisa bofuma, ho theha mesebetsi ...

PROVINCIAL REPORT ON EDUCATION AND TRAINING FOR AGRICULTURE AND ...

PROVINCIAL REPORT ON EDUCATION AND TRAINING FOR AGRICULTURE AND ...
Temo Thuo Grain Producers. 9. 1. 4. Temo Thuo Project. 85. 15. 5. Welkom. Tlamahano Merohong. 10. 12. 4. Tswelopele Poultry Project ...

Agricultural Research Council

Agricultural Research Council -
... a growing interest in crop production, where the radio programme, "Temo Thuo" on "Motsweding FM" played a significant role in sparking off the interest. ...

RAMOTSWA - E re ka bontsi bo ne bo itumeletse n...

RAMOTSWA - E re ka bontsi bo ne bo itumeletse n... Click here to ...
MMATHETHE - Badiri ba ofisi ya temo-thuo e rile bosheng b...

Letsema le tsweletse

Letsema le tsweletse
Kgwebo ya temo thuo :. 35. Mananeo le dithulaganyo tse disha di ne tsa dirwa go leka go. baya temo-thuo mo seemong sa kgwebo ee dirwang ka boitseanape ...

Tsebe e gole

Tsebe e gole
Akanyetsang le tsa Pitso ya Balemi gore re nne re utlwe go re lone leuba le amile jang bontsi ba Batswana ba ikaegileng ka temo thuo. ...

Tsebe e gole

Tsebe e gole
Akanyetsang le tsa Pitso ya Balemi gore re nne re ulwe go re lone leuba le amile jang bontsi ba Batswana ba ikaegileng ka temo thuo. ...