Thursday, August 30, 2007

Ditshupo di thusa go lwantsha lehuma

PALAPYE - Mookamedi wa tsa kgwebo mo bankeng ya FNB mo Botswana, Mme Tsholofelo Kokorwe, a re ditshupo di ka thusa Batswana go lwantsha lehuma.

E rile a bula ditshupo tsa temo thuo kwa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Bokone, ka mafelo a beke, a kgothatsa balemi barui ba kgaolo eo gore ba tshware ka mashetla go tokafatsa seemo sa ditshupo tsa kgaolo ya bone, a re di ka ba thusa go ba tlhamela ditiro.

A re gape ditshupo ke ntlha nngwe ya go ithuta go gweba ka go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go dira dikgaisano tsa disupiwa le go bona ba ba tlileng go ipapatsa ba bontsha setshaba diruiwa le tse dintle tse ba di robileng mo thobong ya bone.

Mme Kokorwe o ne a ba gakolola gore ba leke thata go bona gore a ditshupo tsa bone di nna le diphetogo tse di ba isang kwa seemong se sentle se se supang gore ba ya golo gongwe.

O kopile banana gore le bone ba tshwanetse ba ema ka dinao go nna le seabe mo ditshupong, a re ba se ka ba leba mo batsading fela, mme e tshwanetse ya nna bone ba ba jekileng go feta bagolo ba bone.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Charles Noge o ne a kgothatsa batho ba metse e e lebaganeng le ditshupo tseo go ikiteya ka thupana go feleletsa holo e e agiwang ka pela.

A re ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ditshupo tsa bone di ye kwa tlase go na le gore di gole ka gore fa ba tshwanetse go direla ditiro tsa ditshupo mo lefelong la tsone, ba felela ba sa kgone.

O buile gape ka kagelelo ya lone lefelo leo la ditshupo, a re ga le a agelelwa sentle ka gore batho bangwe ba itsenela fela ba sa duele ka go le motlhofo go tsena mme go tlhokafale madi a a dirang dithulaganyo le a a tsamaisang ditshupo ngwaga le ngwaga.