Saturday, July 21, 2007

Balemi barui ba jela mo kgobedung

LENTSWELETAU - E re le mororo leuba la monongwaga le shenne meno, balemi barui ba jetse mo kgobedung, banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng botlhaba ba itumile sejabana go tshwara ditshupo tsa temo thuo kgwedi ee tlang ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le botlhano.

Mothusa Rabalemisi wa Lentsweletau, Rre Benjamin Mogapi o boleletse ba motswedi wa dikgang wa BOPA gore komiti ya ditshupo ya Lentsweletau e tsweletse sentle ka dipaakanyo, o boletse fa komiti kgolo etla kopana beke ee tlang ele la bofelo go wetsa dipaakanyo.

O boletse fa balemi barui, bakenti le balemisi ba kgaolo bane ba kopantse ditlhogo mme ba bona fa ele yone nako ya go ruta balemi barui go ithuta thata ka temo thuo fa seemo se le maswe jaaka sa leuba.

A re ditaletso di dirilwe go laletsa baeng ba tlotla mme ba emetse diphetolo go tswa ko go bone fela। [MORE]

Friday, July 6, 2007

BOPA Daily News Archive

BOPA Daily News ArchiveMAHALAPYE - Mogolwane wa ditlhaeletsano kwa Mascom, Odirile Motlhale, a re temo thuo ke nngwe ya metswedi e e ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe leno le ...