Monday, June 9, 2008

Temo thuo e ka thusa banana

SEROWE - Banana ba rotloeditswe go simolola dikgwebo tsa temo-thuo go tsholetsa seemo sa temo le leruo mo Botswana.

Kgosi Boingotlo Radithabano wa Motshegaletau o buile se fa a amogela baeng kwa motseng o o mo dithuto-puisanong tsa temo-thuo tsa banana ba Serowe-Borwa.

O ne a itumelela go bona banana ba tsile ka dipalo tse di nametsang mme a ba gwetlha gore fa ba fetsa dithuto, ba ye go diragatsa se ba se ithutileng.

E rile Mme Bontleng Paki wa ofisi ya mopalamente wa Serowe Borwa a bega maikaelelo a bokopano, a tlhalosa fa mopalamente a leka go araba selelo sa banana ba dikgaolwana tse di mo Serowe Borwa ka bare ga ba itse sentle ka mananeo a go simolodisa dikgwebo.

Zemanta Pixie

Sunday, May 11, 2008

Dijo le ditlhare tsa Aforika

shelo jwa diphologolo le temo-thuo ya tulo ya gaeno? Tsenya letshwao fa kholomong e e maleba. .... Temo-thuo ya gaeno a ke ya dijo kgotsa ke ya dikgomo? ...

Temo Thuo On TSEBE E GOLE

Tshepang tumelo go lwantsha mogare

Republic of Botswana - Gaberones,Botswana
A re lephata la Temo-Thuo le tsaya HIV/AIDS tsia ka jaana le itse sentle gore fa le ka leseletsa e tlare mo isagong lefatshe leno le bolawe ke tlala,ka gore ...

Thursday, February 7, 2008

Temo-Thuo

MAHALAPYE - Mogolwane wa ditlhaeletsano kwa Mascom, Odirile Motlhale, a re temo thuo ke nngwe ya metswedi e e ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe ...

Thursday, January 31, 2008

forging

Rona mona Afrika re na le matsete a tsotehang a temo-thuo, dimenerale le matla a motlakase a fehlwang ka metsi. Matsete ana a tsotehang a ka sebediswa ka ho ...

Agricultural Research Council - ARC-Grain Crops Institute

... a growing interest in crop production, where the radio programme, "Temo Thuo" on "Motsweding FM" played a significant role in sparking off the interest. ...

Saturday, January 26, 2008

Tsebe e gole

Akanyetsang le tsa Pitso ya Balemi gore re nne re ulwe go re lone leuba le amile jang bontsi ba Batswana ba ikaegileng ka temo thuo. ...

Monday, October 22, 2007

Babereki ba mo kgatelelong (19 October, 2007)

Republic of Botswana - Gaberones,Botswana
A bolela fa lefatshe leno itsholelo ya lone e ikaegile ka temo thuo mme bone fa ba busa ba tlaa tlhabolola temo ka go dira temo ya nosetso gore go direlwe ...
See all stories on this topic

Thursday, August 30, 2007

Ditshupo di thusa go lwantsha lehuma

PALAPYE - Mookamedi wa tsa kgwebo mo bankeng ya FNB mo Botswana, Mme Tsholofelo Kokorwe, a re ditshupo di ka thusa Batswana go lwantsha lehuma.

E rile a bula ditshupo tsa temo thuo kwa Maunatlala mo kgaolong ya Tswapong Bokone, ka mafelo a beke, a kgothatsa balemi barui ba kgaolo eo gore ba tshware ka mashetla go tokafatsa seemo sa ditshupo tsa kgaolo ya bone, a re di ka ba thusa go ba tlhamela ditiro.

A re gape ditshupo ke ntlha nngwe ya go ithuta go gweba ka go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go dira dikgaisano tsa disupiwa le go bona ba ba tlileng go ipapatsa ba bontsha setshaba diruiwa le tse dintle tse ba di robileng mo thobong ya bone.

Mme Kokorwe o ne a ba gakolola gore ba leke thata go bona gore a ditshupo tsa bone di nna le diphetogo tse di ba isang kwa seemong se sentle se se supang gore ba ya golo gongwe.

O kopile banana gore le bone ba tshwanetse ba ema ka dinao go nna le seabe mo ditshupong, a re ba se ka ba leba mo batsading fela, mme e tshwanetse ya nna bone ba ba jekileng go feta bagolo ba bone.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Charles Noge o ne a kgothatsa batho ba metse e e lebaganeng le ditshupo tseo go ikiteya ka thupana go feleletsa holo e e agiwang ka pela.

A re ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ditshupo tsa bone di ye kwa tlase go na le gore di gole ka gore fa ba tshwanetse go direla ditiro tsa ditshupo mo lefelong la tsone, ba felela ba sa kgone.

O buile gape ka kagelelo ya lone lefelo leo la ditshupo, a re ga le a agelelwa sentle ka gore batho bangwe ba itsenela fela ba sa duele ka go le motlhofo go tsena mme go tlhokafale madi a a dirang dithulaganyo le a a tsamaisang ditshupo ngwaga le ngwaga.